Pampiri e, e na le ditsebe di le 5.
DITAELO
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A: Tlhamo. 
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. 
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/tshupetso/ tshedimosetso/pono/gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. 
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go tsereganya le go buisa tiro ya bona pele ba araba dipotso.
KAROLO YA A: TLHAMO
POTSO 1
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 200 - 250 ka ga NNGWE fela ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, se neele setlhogo se se maleba.
Bosula jo bo tlisiwang ke diritibatsi. [40] KGOTSA
Barutabana ke batho ba ba botlhokwa mo matshelong a rona. [40]
KGOTSA
Bosimane ga se bogole. [40] KGOTSA
Botlhokwa jwa mmê mo lelapeng. [40] KGOTSA
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase se, ka ga kgotlelego ya metsi, mme o anele ka botlalo. [40]
KGOTSA
Fa ba ka ntlhopha go nna Tonakgolo ya Thuto ... [40] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 40
KAROLO YA B: DITLHANGWA TSE DILEELE TSA TIRISANO POTSO 2
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya B, karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o kwalele ratoropo lekwalo le mo go lona o ngongoregang ka mathata a a tlhagelelang mo go sona.
KGOTSA
O ne o emetse sekolo sa lona kwa kopanong ya boditšhabatšhaba ya bolwetse jwa lebolelamading. Kwalela mogokgo pegelo ka ga se se diragetseng koo. [20]
KGOTSA
Kwalela tsala ya gago lekwalo le mo go lona o mo gomotsang jaaka fa a tlhokafaletswe ke mmaagwe. [20]
KGOTSA
Kwala puisano magareng ga mogolo le mošwa mabapi le ditshwanelo tsa bona.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 20
KAROLO YA C: DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO POTSO 3
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya C. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 60 - 80.
Sekolo sa lona se go rometse kwa moseja (Amerika) gore o ye go oketsa kitso ya gago ya dikhomphutara. Romela morutabana wa gago posekarata e mo go yona o mmolelelang ka moo dithuto di yang ka teng. [20]
KGOTSA
Kwala ditaelo tse di tsibosang batho ka ga tiriso ya motlakase jaaka di kaetswe ke ba setlamo sa Eskom, o lebile dintlha tse di tshwanang le:
Tshomarelo ya motlakase.
Kotsi e e ka tlisiwang ke motlakase le dintlha tse dingwe. [20] KGOTSA
O ne o tlhagetswe ke kotsi ya sejanaga, mme jaanong o fodile. Thala karata ya tebogo mme o e romelele ngaka e e neng e go tlhokometse mo nakong ya bolwetse. [20]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 20
PALOGOTLHE : 80
